1 Moperesiti yo mogolo wa Sejuta ke motho fela jaaka mongwe le mongwe, mme o tlhophetswe go buelela batho botlhe le Modimo mo ditirong tsa bone.
2 O neela Modimo dimpho tsa bone ebile o o abela madi a diphologolo tse di ntshiwang setlhabelo go bipa dibe tsa batho le tsa gagwe ka sebele.
3 Mme ka ntlha ya gore ke motho, o ka neneketsa batho ba bangwe sentle, le fa ba le dieleele ba sa itse sepe, gonne le ene o dikaganyeditswe ke tsone dithaelo tseo ebile o tlhaloganya mathata a bone sentle thata.
4 Selo se sengwe se se tshwanetseng go gakologelwa ke se, ga go na motho ope yo o ka nnang moperesiti yo mogolo fela ka ntlha ya gore o batla go nna ene. O tshwanetse go bilediwa tiro e ke Modimo fela jaaka o ne wa bitsa Arone.
5 Ke gone ka moo Keresete a neng a seka a itlhopha go nna mo tlotlong ya go nna Moperesiti yo mogolo; nnyaa, o ne a tlhophiwa ke Modimo. Modimo o ne wa mo raya wa re, “Morwaaka, gompieno ke go tlotlile.”
6 Gape ka nako e nngwe o ne wa mo raya wa re, “O tlhophilwe go nna moperesiti ka bosakhutleng, o le mo maemong a le mangwe fela a boperesiti le Melekisedeke.”
7 Mme le fa go ntse jalo, erile Keresete a sa le mo lefatsheng a kopa Modimo, a rapela ka dikeledi le mowa o o thubegileng, a rapela ene fela yo o tlaa mo gololang mo losong lo lo neng lo sa solofediwa. Mme Modimo o ne wa ultwa dithapelo tsa gagwe ka ntlha ya keletso ya gagwe e e nonofileng ya go eletsa go ikobela Modimo ka dinako tsotlhe.
8 Mme le fa Jesu a ne a le Morwa Modimo, o ne a tshwanetse go ithuta ka ditiragalo tse di neng di mo diragalela gore go ikoba go ne go utlwala jang, fa go ikoba go ne go raya go boga.
9 Erile a sena go itshupa fa a itekanetse mo maitemogelong a gagwe, Jesu a nna Moabi wa Poloko ya bosakhutleng mo go botlhe ba ba mo ikobelang.
10 Gonne gakologelwang gore Modimo o mo tlhophile go nna Moperesiti yo Mogolo a lekana le Melekisedeke ka maemo.
11 Go na le dilo di le dintsi tse ke neng ke eletsa go di bua mo go one mabaka a, mme o ka re ga lo a reetsa, jalo go thata go lo dira gore lo tlhaloganye.
14 Ga lo kitla lo kgona go ja dijo tse di loileng tsa semowa lo bo lo tlhaloganya dilo tse di kwa teng-teng tsa Lefoko la Modimo go fitlhelela lo nna Bakeresete ba ba botoka lo bo lo ithuta go itse pharologanyo fa gare ga tshiamo le bosula ka go itlwaetsa go dira tshiamo.